DIANE DITLHALOSO Mphemphe o a lapisa motho o kgonwa ke sa gagwe. # Go botoka go nna le selo sa gago go na le go adima gongwe go kopa LESIELA MME O SULE KE SALE MOTLANE RRE LEKA MATLHO HAKA MONA NKGONO O SULE KE MO LEBILE A LONGWA KE MOKWEPA KE MO SHIBILE. Diane tsa Setswana. 77 likes. Community. Tlhaloso: O ka nna wa dumalana le motho ka ga sengwe,a tloga a tlhanogela tumalano eo. Mookodi wa pula o.

Author: Tekora Majinn
Country: Slovenia
Language: English (Spanish)
Genre: Politics
Published (Last): 6 November 2004
Pages: 420
PDF File Size: 1.19 Mb
ePub File Size: 1.58 Mb
ISBN: 763-3-71937-526-5
Downloads: 42832
Price: Free* [*Free Regsitration Required]
Uploader: Dazil

Javascript is disabled in this browser. This page requires Javascript. Modify your browser’s settings to allow Javascript settswana execute. See your browser’s documentation for specific instructions.

21 Aug Diane tsa Setswana ka ga mosadi.

Maru a se nang tladi malematsa – Selo se se keng twa tlhagisa kotsi se lebatsa batho maano a go iphemela motlhang go le thata. Phudufudu e e thamo telele e batwa ke marumo e se a yone – Motho yo o ratang go itsenya mo dikgannye tsa batho, o a tle a di arabe go ne go sa tshwanela.

Morogo wa ngwana setswaba o tlhotshwe ditlhokwa. Setopo re supa sa nakedi, magogwe re mmega a sule – Legodu ke le tshwarwang ka merwalo. Marope a bagale melora, ba bonolo ba tshela ka bonolo jwa bone – Gantsi boganka ga bo busetse sepe, fa e se mathata fela. Sa monna ga se tshabelwe, ga twe ke mono wa koto – Motho ga e ke e re ditsagagwe di falala a tshabe, ka di a tlhokega, le gone o a be a di bapetse ka bothata. Kgetsi ya puo e kgonwa ke go tshwaraganelwa – Fa batho ba thusana mo tirong, tiro eo e nna motlhofo.

Setsetsi se bolawa ke namane – Motsadi o ka tsenngwa mo mathateng ke ngwana. Mosima wa matlhaelathupana, se ileng se a be se ile, lesilo ke moselatedi – Ga go thuse sepe go lelela selo se o sa ka keng wa tlhola o se bona gape.

Ntlhomole mmutlwa ga se nkute setswanaa – Fa motho a go fa sengwe, ga a re o gogorupe gotlhe. Merogolwane ya tsatsing e kgonwa ke go lela e lebaganye – Batho ba ba nang le diphapang ba tshwanetse go di nnela fatshe, ba di fedisa.

Le pelong ga le tshetse – Fa motho a na le ngongorego o tshwanetse go e ntsha, gore e se ka ya mo ja mo moweng. Dinotshi go loma tse di tsentseng – Fa o gakalela motho a go kopa sengwe, o be o itse gore ssetswana tla se mo naya. Moroka o sita ka pula – Motho fa a re o itse selo, o tswanetse go supa kitso eo ka ditiro. Mookodi wa pula o beelediwa ntlheng tsotlhe – Botshelo bo lekwa ka maano otlhe. Mosadi o sa tloleng o itshaba setewana – Motho fa a ikitse gore o molato ga ke a ganela, kgotsa a kwela.

Matlho mabonana ga se matlhokana – Fa batho ba kile ba kopana ga ba ka ke ba tlhola ba timelelana gape. Lerotse la makopa ga le na kgodu – Selo se se kopilweng ga se ke se nna sentsi.

Kgosi thipa e sega molootsi – Fa o gakatsa motho, o itse gore le wena o ka nna a go gakalela, bogolo jang fa e le moeteledipele.

Bogale tsholo, bo a omosiwa – Motho fa a galefile, o a tle setswans rejwe bogale. Montsamaisa bosigo ke mo leboga bo sele – Motho yo o go thusang o le mo mathateng, e re o dule mo go one o mo gopole ka tebogo. Bana ba kgori monokwana o seng, tshika e ya baneng e a kgaoga – Batho ba losika fa ba ntse ba ata ba a timelelana. Mogwe lekaba, ga tsofale – Mogwe ga ka a fetsa go direla ba bogwegadi. Mmapodi ga ipone se se mo tlhogong – Go thata gore motho a itshwae diphoso.

  HUKUM AGRARIA INDONESIA BOEDI HARSONO PDF

Kgakakgolo ke na mebala, mebala e dikgakaneng – Motsadi o tlotlwa ka go kgabisa bana ba gagwe, e seng go ikgabisa ene ka nosi. Mamina e a re go fela a ye nkong e le nngwe – Kgang ya moruthuta e a tle e fele ka bonolo, e tlhofofaditswe.

Maragana teng a bana ba mpa ga a tsenwe – Dikomang tsa bana ba lelwapa ga di tsenwe, di ka ya le motseneledi. Maropeng go a boelwa, go sa boelweng ke maleng – Motho ga a tshwanela go boifa go boela ga gabo, kgotsa kwa a kileng a tshela botoka teng. Mabogo dinku a a thebana – Batho ba kgona botshelo ka go thusana.

O se bone nong go rakalala godimo, go ya tlase ke ga yone. Maoto a nong ke phofa – Motsadi fa a palelwa o thusiwa ke bana ba gwe. Tshukudu golo gobe e go isiwa ke ngwana – Motsadi o ka tsena mo mathateng ka ntlha ya ngwana wa gagwe. More wa mafoko ke go buiwa – Motho fa a na le ngongorego o tshwanetse go e ntsha, ya buiwa, ya fela. Phudufudu o rile ke lobelo marota a re ke namile – Motho fa a sentse ga ka ke a tshabela molao ruri.

Mosito wa photi o tsosa di letseng – Motho o ka butsolosa diphapang tse dikgologolo ka phosonyana e nnye. Sa mosima se jewa ka yo o thata – Selo se se bonwang ka bothata se tshwanetse go fufulelwa. Sebodu se lekwa ka legano, sa nko se latsa le tlala – Fa batho ba na le kgang, ba tshwanetse go e nnela fatshe, ba e bua, ba e fetsa.

Se botlhoko se lekwa ke ngwana mogolo – Ditiro tse di bokete di lebaganngwa le ngwana yo mogolwane, ka a feta ba bangwe ka tlhaloganyo le thata. Segwaba se isiwa ga sone ke go sololwa – Sekoba se gopodiwa ga sone ke go sotlwa le go kgojwa. Sekukuni se bonwa ke sebataladi – Le fa modira bosula a ka leka go iphitlha jang, o a tle a feletse a bonywe ke mongwe. Sekhutlo go boa sa monwana, sa pelo se eta le mong – Le fa motho a ka go itshwarela, gone o tla nna a gakologelwa molato wa gago.

Se sa ikelediweng ke sa ntswa sa motho se a ikelediwa – Ntswa ga e ke e ediwa fa e bogola, mme motho ene fa a bua o a fetolwa.

Setlhotsa go fola sa podi, sa motho ga se fole – Motho ga ke a latlha mokgwa oo maswe, le mororo phologolo e ka o latlhisiwa. Setshwarwa ke ntswa-pedi ga se thata – Tiro e nna motlhofo fa e tshwaraganetswe.

Diane – Wikipedia

Phoko-kgolo ga e tswe ka ngwana wa motho – Ga go na yo o batlang gore diphiri tsa ba bangwe di tswe ka ene. Se ya bogwe se tletse, se boa se tletse – Fa motho a batla go fiwa, le ene a fe ba bangwe. Korwe ga ke je, ke bapalela tsetsi – Monna o tshwanetse go gopola mosadi le bana pele ga a gopola go ijesa. Tau e se nang seboka e siiwa ke none e tlhotsa – Motho a se na bathusi o palelwa ke tironyana e se ya sepe.

Mafatlha a nku a itsiwe ke mogami – Motho o kgona go itse batho ba a nnang nabo botoka go na le yo o kgakala nabo.

Tau ga e je e dumile, e a re e lela e be e re e tlhaselwe – Fa Motho yo mongwe a seswana ipokela, le wena o tsamae o mo ipaakanyeditse. Thamaga go tuma di na le beng – Batho bangwe ba itsiwe ka ntlha ya ditshika tsa bone tse di tumileng, kgotsa tse di itsegeng.

  ASTM A135 PDF

Thota e se nang Khudutlou, bolobete ba ipha naga – Fa moeteledipele a se yo, balatedi ba sala ba itirela boithatelo. Thupa go fedile ya dikgomo, ga sala ya batho – Bana ba tshwanetse go aga ba kgalemelwa, ba sa tza.

Molemo go tsena wa logare – Thuto go tshegediwa ya moruti yo o bogale. Lemme ga le bolae, go bolaya lefifi – Le fa o bonye selo se le sennye o itumele, o itse fa go sa tshwane le tshoo-tshoo!

Mphemphe e a lapisa, motho o kgonwa ke sa gagwe – Motho o tshwanetse go itirela, e seng go kopela ruri. Mmatlakgomo kodumela, o etse mhata sediba – Motho a batla selo sa botlhokwa o tshwanetse go nna pelotelele. Tlhapi solofela loraga, metsi a tshwele o a lebile – Fa motho yo o ntseng a go thusa a fulara, o ipaakanyetse go lebagana le mathata a botshelo o le nosi.

Meno-masweu polaya e tshega – Motho o ka go direla bosula a ntse a tshega le wena. Tlou fa e tlodile noka ke tlotwana – Moeteledipele ga a tshwanela go batla go laola gongwe le gongwe. Ngwana wa mmamotho mosidi wa pitsa, re itlotsa ka ene – Motho fa a le mo mathateng o gopola ba ga gabo pele, a be a ikanye mo go bone. Noga ga e latelelwe mosimeng – Motho ga ke a latelelwa kwa ga gagwe. Mosadi fa a inama o a be a ikantse mosese wa morago – Motho fa a dirisa selo, o tshwanetse a be a se akanyeditse pele.

Go lemala ga namane ke go lala le mmaayo – Motho fa a ka nna a nenekediwa o a senyega. Phudufudu ga e tlhatlhelwe mme lemipi la yone le fetwa ke la podi – Ngwana yo o itaolang ga bone tlhokomelo jaaka yo o dumelang go laolwa. Marwaneng go tsenelwa gongwe – Seyswana e bonolo e semololwa ke botlhe ka nako e le nngwe. Mogoa-Modimo o a o ikgoela – Fa o diae motho selo sengwe se se maswe, se a tle setsana diragalele wena.

Malata a ithuna a ile kgonnye – Baho ba mophato ba itherolola fa ba le bosi. Bontshwe ga ba ke ba tlhakanela kutla – Batho ba tsoma papadi ga ba ke ba batla go tsamaya mmogo. Tladi e bogale e tswa marung – Kgalefo ya motho e ntsi fa e simologa, fa nako e ntse e feta e a phofa. Ntswa e bolawa ke mong wa yone ga e na lobelo – Motho o sotlwa ke mmusi wa gagwe ga go kwa a ka tshabelang go mo lemosa.

Modimo ga o je nkabo – Modimo ga o latlhe ope. Tshukudu ya feta marwana pounama di botlhoko – Motho yo o ratang dijo fa a re o kgotshe, e a be e le fa a lwala.

E re go lemoga ngaka, le bolwetsi o bo lemoge – E re o tlhanogela mothusi wa gago, o be o itse gore ga o na go tlhola o kopa thuso mo go ene. Moya-goleele o lefa ka marapo – Motho yo o lwalang ka boleele e a tle e re kgabagare a fole. Mmutlwa wa noko o rotolwa ke o mongwe – Fa o lantlha selo sa botlhokwa, o be o itse gore go na le se o tla se emisetsang ka sone. Motse re feta wa balala, wa baruakgomo re tsena ka one – Fa motho a le mo mathateng, o kopa thuso mo go ba a itseng ba ka mo thusa ka sengwe.

Noticeboard

Mogama kgomo tsa mafisa, o gama a gadimile tsela. Mmualebe o a bo a bua la gagwe gore monalentle a le tswe. Noticeboard Motsweding FM Calendar.